Jump to content

Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa/Kgaolo 7

From Wikisource
291762Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa — Kgaolo 7: Puso Selegae1996

151. Maemo a bommasepala
1. Lekala la puso selegae le kgaogantswe ka bommasepala, bao ba tshwanetseng go tlhomiwa mo melelwaneng yotlhe ya Rephaboliki.
2. Khuduthamaga le bothati taolo jwa mmasepala bo rwelwe Khansele ya Mmasepala wa yona.
3. Mmasepala o na le tshwanelo ya go laola go ya ka pono ya yona, merero ya puso selegae ya baagi ba yona go tsamaelana le molao wa bosetšhaba le ya porofense, jaaka go rulaganyeditswe ke Molaotheo.
4. Puso ya bosetšhaba kgotsa ya porofense ga di a tshwanela go kgobelela kgotsa go kgoreletsa bokgoni jwa mmasepala kgotsa tshwanelo ya go diragatsa maatla a ona kgotsa go dira ditiro ya ona.

152. Maikaelelo a puso ya selegae
1. Maikaelelo a puso ya selegae ke –
a. go tlamela baagi ka puso e e gololesegileng le e e na leng maikarabelo;
b. go netefatsa gore baagi ba fitlhelela ditirelo ka dinako tsotlhe;
c. go godisa tlhabololo ya leago le ikonomi;
d. go godisa tikologo e e sireletsegileng le e e itekanetseng;
e. go rotloetsa go botsaya karolo jwa baagi le mekgatlho ya baagi mo mererong ya pusoselegae.
2. Mmasepala o tshwanela go kgaratlhela, go ya ka dithata tsa tšhelete le bokgoni jwa tsamaiso go fitlhelela maikaelelo a a tlhalositsweng mo karolotlaleletso (1).

153. Ditiro tsa tlhabololo tsa bommasepala
1. Mmasepala o tshwanetse –
a. go rulaganya le go laola botsamaisi, tekanyetso, le go loga maano go beya kwapele ditlhokego tsa motheo tsa baagi, le ntshetsa pele tlhabololo ya loago le ikonomi ya baagi; le
b. go tsaya karolo mo Manaaneong a tlhabololo ya bosetšhaba le ya diporofense.

154. Tlhakanelo-puso ya Bommasepala
1. Puso ya bosetšhaba le ya porofense, ka molao le dikgato dingwe di tshwanetse thusa le go matlafatsa bokgoni jwa bommasepala go laola merero le ditiro tsa yona.
2. Molaotlhomo o o tshitsintsweng wa bosetšhaba kgotsa wa porofense o o amang maemo, ditheo, maatla kgotsa ditiro tsa pso ya selegae di tshwanela go phasaladiwa gore baagi ba kgone go tshwaela pele e tlhagisiwe mo Palamenteng kgotsa mo kgotlapeomolao ya porofense, ka mokgwa o o letlang puso selegae e e rulagantsweng, bommasepala, le batho bangwe ba ba na leng kgatlhego, ba tshwanetse go fiwa tšhono ya go dira ditlhagiso mabapi le Molaotlhomo.

155. Go tlhomiwa ga bommasepala
1. Go na le magato a a latelang a bommasepala:
a. Legato la A: Mmasepala yo o na leng bothati jwa khuduthamaga le taolo ya molao mo kgaolong ya yona fela.
b. Legato la B: Mmasepala yo o aroganyang bothati jwa bokhuduthamaga le jwa taolo ya semolao mo kgaolong ya yona le mmasepala wa legato la C, yo o welang mo kgaolong ya ona.
c. Legato la C: Mmasepala yo o na leng bothati jwa bokhuduthamaga le jwa taolo ya semola molao mo kgaolong e akaretsang bommasepala ba ba fetang nngwe.
2. Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go tlhalosa bommasepala ka go farologana, ba ba tshwanetseng go tlhamiwa go logato lenngwe lele nngwe.
3. Molao wa bosetšhaba o tshwanetse –
a. go tlhama dielo tsa go tlhomamisa fa kgaolo e tshwanetse go nna mmasepala wa legato A kgotsa fa e tshwanetse go nna mmasepala wa logato la B le C.
b. go tlhama dielo le dithulaganyo ya tlhomamiso ya melelwane ya bommasepala ke bothati jo bo ikemetseng; le
c. go dira ditaelo tse di amang kgaoganyo ya matla le ditiro fa gare ga bommasepala, fa kgaolo e na le bommasepala ba logato la B le C ka bobedi go tsamaelana le karolo 229. Kgaoganyo ya dimatla le ditiro gare ga mmasepala wa logato la B le mmasepala wa logato la C, mmasepala e ka farologana go ya ka kgaoganyo ya matla le ditiro gareng ga mmasepala o mongwe wa logato la B le mmasepala wa logat la C.
4. Molao o o tlhalositsweng karolotlaleletso (3) e tshwanetse go ela tlhoko botlhokwa jwa kaabo ya ditirelo ke mmasepala ka tekatekano le ka dinako tshotlhe.
5. Molao wa porofense e tshwanetse go tlhomamisa mefuta e farologaneng ya bommasepala e tshwanetseng go tlhamiwa mo porofenseng.
6. Puso nngwe le nngwe ya porofense e tshwanetse go tlhama bommasepala mo porofenseng ya yona ka tsela e e tsamaelanang le molao o o atlenegisitsweng go ya ka karolotlaleletso (2) le (3) le, ka molao kgotsa dikgato dingwe, e tshwanetse go –
a. go tlamela ka tshekatsheko le thuso ya pusoselegae mo porofenseng; le
b. go tlhabololo bokgoni jwa pusoselegae go kgontsha bommasepala go dira ditiro tsa bona le go tsamaisa merero ya bona.
(6A) …

[Karolotlaleletso. (6A) ya Molaotheo wa Tlhabololo ya Boraro ya Molao wa 1998, le go tlosiwa ka k 2 ya Molaotheo ya Tlhabololo ya bolesome pedi ya Molao wa 2005.]

7. Puso ya bosetšhaba, go ya ka karolo 44, le dipuso tsa diporofense di na le taolo ya semolao le ya bokhuduthamaga go netefatsa tiro ya bommasepala ka botlalo tebang le merero e e tlhalositsweng mo lenaane la Mametlelelo 4 le 5, ka go laola tiragatso ya bothati jwa bommasepala go ya ka tlhaloso ya karolo 156(1).

156. Dithata le ditiro tsa bommasepala
1. Mmasepala o na le taolo ya bokhuduthamaga mabapi le, e bile o na le thata ya go tsamaisa –
a. merero ya puso selegae e e tlhalositsweng mo lenaane la Karolo B ya Mametlelelo 4 le karolo B ya Mametlelelo 5, ka taolo ya molao yabosetšhaba le wa porofense; le
b. morero mongwe le mongwe yo o abeetsweng mmasepala ka molao wa bosetšhaba kgotsa wa porofense.
2. Mmasepala o ka tlhama le go laola melawana ya mmasepala ka maikaelelo a go dira tiro ya mmasepala ka manontlhotlho; le
3. Ka taolo ya karolo 151(4), molawana o o kgatlhanong le molao wa bosetšhaba le wa porofense ga o na matla a go dirisiwa. Fa go nale kgotlhang ga reng ga molawana le molao wa bosetšhaba le wa porofense yo sa direng ka ntlha ya kganetsano e e tlhalositsweng mo karolo 149, molawana o tshwanetse go tsewa o na le boleng nako yotlhe fa molao eo e sa dirisiwe.
4. Puso ya bosetšhaba le ya diporofense di tshwanetse go abela ka tumelano le go tsamaelana le lebaka lengwe lengwe Mmasepala taolo ya morero o tlhalositsweng mo karolo A ya Mametlelelo 4 kgotsa karolo A ya Mametlelelo 5 e e amang puso selegae, fa –
a. morero oo o ka tsamaisiwa ka manontlhotlho ke puso selegae; le
b. Mmasepala a na le bokgoni jwa go o diragatsa.
5. Mmasepala o na le tetla ya go diragatsa thata ngwe le ngwe tebang le morero o o botlhokwa, kgotsa o o maleba le, tiragatso ya ditiro ka manontlhotlho.

157. Sebopego le tlhopho ya Dikhansele tsa Mmasepala
1. Khansele ya Mmasepala e bopiwa ke –
a. ditokololo tse di tlhomilweng go ya dikarolotlaleletso (2) le (3); kgotsa
b. fa molao wa bosetšhaba o tlhomamisa jaalo –
i. ditokololo tse di tlhophilweng ke Dikhansele tse dingwe tsa Mmasepala go emela Dikhansele tseo; kgotsa;
ii. ditokololo tsoopedi tse di tlhophilwe go ya ka temana (a) le ditokololo tse di tlhopilweng go ya ka temanatlaleletso (i) ya temana eno.

[Kl(1) e emetswe ka k. 1(a) ya Molaotheo Tlhabololo ya Borobedi ya Molao wa 2002 le ka k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosometlhano ya Molao wa 2008.]

2. Go tlhophiwa ga ditokololo tsa Khansele ya Mmasepala go ya ka tlhaloso ya karolotlaletso (1)(a) di tshwanetse go tsamaelana le molao wa bosetšhaba, o o tshwanetseng go rulaganya tsamaiso –
a. wa boemedi ba kabelano bo bo ikaegileng mo karolong ya batlhophi ba mmasepala yoo ba ba mo lenaaneng le le lengwe la batlhophi, le le rulaganyeditsweng go kgethiwa ga ditokololo mo gare ga manaane a maina a bontlhopheng a a latelanang ka fa kgatlhegong ya lekoko; kgotsa
b. kemedi ya tekanyetso ya makoko go ya ka tlhaloso ya temana (a) e golagantswe le le kemedi ya dikgaolo, e e theilweng go tsamaelana le dikarolo tsa Mmasepala ya lenaneo la bosetšhaba la batlhophi.
3. Thulagano ya ditlhopho go ya ka karolotlaleletso (2), ka kakaretso e tshwanetse go tsamaelana le selekanyo sa kemedi diboutu.

[Kl.(3) e emetswe ke k. 1(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2002.]

4. a. Fa thulaganyo ya ditlhopha e akaretsa boemedi jwa dikarolo, go kgaoganngwa ga dikarolo bo tshwanetse go diriwa ke bothati jo bo ikemetseng jo bo tlhophilweng ka mabaka, e bile bo diragatsa ka tsamaiso le tsela e e lhalositsweng go ya ka molao wa bosetšhaba.
b. ….

[Tema (b) e phimolwa ka k.3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosomepedi wa Molao wa 2005.]

[Kl.(4) e emetswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Boraro wa Molaowa 1998.]

5. Motho a ka bouta mo Mmasepala fela fa motho yoo a kwadisitswe mo karolong ya Mmasepala yoo, mo lennane la batlhophi ba bosetšhaba.
6. Molao wa bosetšhaba o o tlhalositsweng mo karolotlaleletso (1)(b) e tshwanetse go tlhama thulaganyo e e letlang makoko le dikgatlhego tse di tlhagisitsweng mo Khanseleng ya Mmasepala e e thapang badiri, go nna le kemedi ka tekatekano mo Khansele ya Mmasepala e go thapiwang mo go yona.

158. Botokololo jwa Dikhansele tsa Mmasepala
1. Moagi mongwe le mongwe yo o mo maemomg a go boutela Khansele ya Mmasepala o na le tshiamelo ya go tlhophiwa go nna tokololo ya Khansele eo, ntle le –
a. mongwe le mongwe yo thapilweng ke, kgotsa yo o direlang Mmasepala, e bile a amogela moputso kgotsa tuelo boemong jwa tiro eo, e bile a sa ilediwago ya ka mabaka a molao wa bosetšhaba;
b. mongwe le mongwe yo thapilweng ke, kgotsa mo tirong ya Puso mo lekaleng le lengwe, e bile a amogela moputso kgotsa tuelo boemong jwa tiro eo, e bile a ileditswe go nna tokololo ya Khansele go ya ka mabaka a molao wabosetšhaba;
c. mongwe le mongwe yo o ileditsweng go boutela Ntlokokoano Bosetšhaba kgotsa yo ileditsweng go ya ka mabaka a karolo 47(1)(c), (d) kgotsa (e) go nna tokololo ya Ntlokokoano;
d. tokololo ya Ntlokokoano Bosetšhaba, kemedi ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense kgotsa tokololo ya kgotlapeomolao ya porofense; mme fela kiletso eo e sa ame tokololo ya Khansele ya Mmasepala e e emetseng puso-selegae mo Khanseleng ya Bosetšhaba; kgotsa
e. tokololo ya Khansele ya Mmasepala o mongwe; mme kiletso eo e sa ame tokololo ya Khansele ya Mmasepala, e e emetseng Khansele mo Khanseleng ya Mmasepala engwe ya logato le le farologaneng.
2. Motho yo o se nang tshiamelo ya go nna tokololo ya Khansele ya Mmasepala go ya ka mabaka a karolo (1)(a), (b), (c) kgotsa (d) le (e) e ka nna ntlhopheng wa Khansele go tsamaelana le dikiletso kgotsa mabaka a molao wa bosetšhaba.

[Kl (3) e okeditswe ka k.4 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bobedi wa Molao wa 2008.]

159. Dipaka tsa Mmasepala
1. Paka ya Khansele ya Mmasepala ga ya tshwanela go feta dingwaga di le tlhano, go ya ka tlhomamiso ya molao wa bosetšhaba.
2. Fa Khansele ya Mmasepala e phatlaladiwa go ya ka molao wa bosetšhaba, kgotsa fa paka ya yona e fela, ditlhopho di tshwanetse go tshwariwa mo nakong ya matsatsi a le 90 go simolola ka letlha le Khansele e phatlaladitsweng ka lona kgotsa letlha la go fela ga paka ya yona.
3. Khansele ya Mmasepala, ntle le Khansele e e phatlaladitsweng ka ntlha ya thuso ya tsereganyo go ya ka karolo 139, e tswelela go nna le bokgoni jwa go dira go simolola ka nako e e phatlaladiwang ka yona, kgotsa ka nako ya go fela ga paka ya yona, go fitlha Khansele e ntšhwa e tlhophiwa semmuso.

[Kl. 159 e emetswe ke k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998.]

160. Ditsamaiso tsa ka fa teng
1. Khansele ya ga Mmasepala –
a. e dira ditshwetso mabapi le tiragatso ya dithata tsotlhe le tiragatso ya ditiro tsotlhe tsa mmasepala;
b. e tshwanetse go tlhopha modulasetilo wa yona;
c. e tshwanetse go tlhopha komiti ya khuduthamaga le dikomiti tse dingwe go ya ka molao ya bosetšhaba;
d. e ka thapa badiri ba ba tshwanetseng go diragatsa ditiro tsa yona ka botlalo.
2. Ditiro tse di latelang ga di a tshwanela go dirwia ke Khansele ya Mmasepala:
a. katlanegiso ya melawana;
b. kamogelo ya ditekanyetsokabo;
c. tuelo ya makgetho, merokotso, makgethwana, dituelo;
d. koketso madi a kadimo.
3. a. Bontsi jwa maloko a Khansele ya Mmasepala a tshwanetse go nna teng pele go boutela morero mongwe le mongwe.
b. Dipotso tsotlhe mabapi le dintlha tse di tlhalosistsweng mo karolotlaleletso (b) di laolwa ke tshwetso e e dirilweng ke Khansele ya Mmasepala ka tumelano ya bontsi jwa diboutu tsa maloko a yona.
c. Dipotso tse dingwe tsotlhe tse di fa pele ga Khansele ya Mmasepala di amogelwa ka bontsi jwa diboutu tse di dirilweng.
4. Ga go molawana ope o o tshwanetseng go atlenegisiwa ke Khansele ya ga Mmasepala ntle le fa –
a. Maloko otlhe a Khansele a itsisitswe pele ga nako; le
b. Molawana o o tshitsingwang, o setse o phasaladitswe gore baagi botlhe ba kgone go tshwanelo.
5. Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go tlamela ka tsela ya go tlhomamisa –
a. bogolo jwa Khansele ya Mmasepala;
b. fa Dikhansele tsa Mmasepala di na le bokgoni jwa go tlhopha Komiti ya Khuduthamaga kgotsa komiti enngwe; kgotsa
c. bogolo jwa komiti ya Khuduthamaga kgotsa komiti nngwe le nngwe ya Khansele ya Mmasepala.
6. Khansele ya Mmasepala e ka dira melawana e e tlhalosang melao le ditaelo boemong jwa –
a. Dithulaganyo tsa yona tsa mo teng;
b. Ditiro le ditsamaiso tsa yona;
c. Go tlhamiwa, sebopego, tsamaiso, dithata le ditiro tsa dikomiti tsa yona.
7. Khansele ya Mmasepala e tshwanetse go dira tiro ya yona mo pontsheng, e bile e ka tshwarela dikopano tsa yona mo sephiring, kgotsa tsa dikomiti tsa yona, fa fela go le matshwanedi go dira jalo go lebilwe bomasisi jwa morero o tshwerweng.
8. Maloko a Khansele ya Mmasepala a letleletswe go tsaya karolo mo ditsamaisong tsa yona le tsa dikomiti tsa yona ka mokgwa o –
a. letlelang makoko le batho ba ban a leng kgatlhego mo Khanseleng go nna le kemedi ka tekatekano;
b. go tsamaelana le demokerasi; le
c. o ka laolwa ka molao wa bosetšhaba.

161. Ditetlelelo
Kgotlapeomolao ya porofense mo lenaanetsamaiso la molao wa bosetšhaba e ka tlamela ka ditetleleleo le ditshireletsego tsa Dikhansele tsa Mmasepala le ditokololo tsa yona.

162. Phasalatso ya melawana ya bommasepala
1. Molawana wa Mmasepala o ka tsenngwa tirisong fa fela o setse o phasaladitswe mo Lokwalodikgang la semmuso la porofense e e maleba.
2. Lokwalodikgang la semmuso la porofense le tshwanetse go phasalatsa molawana wa Mmasepala fa mmasepala a kopa jaalo.
Melawana ya Mmasepala e tshwanetse go ka fitlhelelwa ke baagi botlhe.

163. Puso selegae e e rulagantsweng
1. Molao wa Palamente o amogetsweng go tsamaelana le tsamaiso e e tlhomamisitsweng o go ya ka karolo 76 o tshwanela –
a. go tlotla mekgatlho ya bosetšhaba le ya porofense e e emetseng bommasepala; le
b. go tlhomamisa tsamaiso eo puso ya selegae e ka –
i. rerisanang le puso ya bosetšhaba kgotsa ya porofense;
ii. tlhopa baemedi go tsaya karolo mo mererong ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense; le
iii. go tsaya karolo mo mererong e e tlhalositsweng mo molaong wa bosetšhaba go tsamaelana le karolo 221(1)(c).

[K. 163(b) e emetswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]

164. Merero e mengwe
Merero mongwe le mongwe yo o lebaganyeng le puso ya selegae, mme o sa tlhalosiwa mo Molaotheo, o tshwanetse go tlhalosiwa ka molao wa bosetšhaba kgotsa ka molao wa porofense mo lenaanetsamaiso la molao wa bosetšhaba.