Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa
Kgaolo 1: Dikaelo tsa Motheo
Kgaolo 2: Molaotlhomo wa Ditshwanelo
Kgaolo 3: Puso ya Tirisano
Kgaolo 4: Palamente
Kgaolo 5: Moporesidente le Khuduthamaga ya Bosetšhaba
Kgaolo 6: Diporofense
Kgaolo 7: Puso Selegae
Kgaolo 8: Dikgotlatshekelo le Tsamaiso ya Bosiamisi
Kgaolo 9: Ditheo tsa Puso tse di Tshegetsang Demokerasi ya Molaotheo
Kgaolo 10: Tsamaiso ya Puso
Kgaolo 11: Ditirelo tsa Pabalesego
Kgaolo 12: Baeteledipele ba Setso/Magosi
Kgaolo 13: Ditšhelete
Kgaolo 14: Dikaelo-Kakaretso
Mametlelelo 1: Folaga ya Bosetšhaba
Mametlelelo 1A: Mafelo a Diporofense
Mametlelelo 2: Maikano le Ditumelo tse di Masisi
Mametlelelo 3: Ditsamaiso Tsa Ditlhopho
Mametlelelo 4: Makala A Kgolagano A Tiragatso A Bokgoni Jwa Peomolao A Bosetšhaba Le A Porofense
Mametlelelo 5: Makala A Tiragatso A Bokgoni Jwa Molao Wa Porofense Fela
Mametlelelo 6: Dithulaganyo tsa Kgabaganyo
Mametlelelo 7: Melao e e Phimotsweng
Rona, batho ba Aforika Borwa,
Re itse ditshiamololo tsa rona tse di fetileng;
Re tlotla ba ba bogileng ka ntlha ya tshiamo le kgololosego mo lefatsheng la rona;
Re tlotla ba ba diretseng go aga le go tlhabolola naga ya rona; mme
Re dumela fa Aforika Borwa e le ya botlhe ba ba tshelang mo go yona, re le ngata e le nngwe ka go farologana.
Rona ka jalo, ka baemedi ba re ba itlhophetseng ka kgololosego, re amogela Molaotheo o jaaka Molao-Mogolo wa Rephaboliki gore re –
- Alafe dikgogakgogano tse di fetileng mme re age Setšhaba se se theilweng ka meetlo ya demokerasi, bosiamisi jwa batho le ditshwanelo tse di botlhokwa tsa botho;
- Tlhome metheo ya demokerasi le setšhaba se se gololesegileng moo puso e theilweng ka thato ya batho e bile moagi mongwe le mongwe a sireleditswe ka go lekana ke molao.
- Tokafatse matshelo a baagi botlhe le go golola neo ya mongwe le mongwe le;
- Aga Aforika Borwa e e kopaneng ya demokerasi e e kgonang go tsaya maemo a yona a a siameng jaaka naga e e ipusang mo tshikeng ya mafatshe.
A Modimo a sireletse Setšhaba sa rona.
Nkosi Sikelel’ iAfrika.
Morena boloka setšhaba sa heso.
God seën Suid-Afrika.
God bless South Africa.
Mudzimu fhatutšhedza Afurika.
Hosi katekisa Afrika.
![]() |
This work was created and first published in South Africa and is in the public domain because it is an official text of a legislative, administrative or legal nature, or an official translation of such a text.
According to the Copyright Act, 1978, § 12 (8) (a), "No copyright shall subsist in official texts of a legislative, administrative or legal nature, or in official translations of such texts[.]" As an edict of a government, it is also in the public domain in the United States. |
![]() |